Skip to content Skip to footer

Kgotlhang ke Eng?

Kgotlhang ke eng?

Dumelang, barutwana! Fa, re tla ithuta ka kgotlhang. Kgotlhang ke ntlha ya botlhokwa mo dipading le mafokong a bogologolo. Hona le mefuta e le meraro ya kgotlhang: kgotlhang fa gare ga moanelwa le maikutlo a gagwe, kgotlhang fa gare ga badiragatsi, le kgotlhang fa gare ga modiragatsi le tikologo ya gagwe. A re simololeng!

Kgotlhang ke eng?

Kgotlhang ke bothata kgotsa selwelwa mme e tsalwa go tswa mo morerong o o senolwang mo lokwalong. Bothata jo bo ka tlisa ntwa, go sa utlwaneng kgotsa kgogakgogano mo lokwalong. Moanelwa a ka nna le kgotlhang fa gare ga gagwe le tikologo ya gagwe, go ya ka setso, tumelo, meetlo kgotsa melao ya tikologo eo. E ka tsalega gape fa gare ga baanelwa, ba gotlhana kgotsa ba lwela sengwe. E ka itshenola gape fa gare ga moanelwa le maikutlo a gagwe.

Kgotlhang ke kgogedi e bile ke konokono mo pading ka gonne e gapeletsa baanelwa go kgaratlha, go loga maano a go rarabolola mathata a bona. Kgotlhang gape ke kgogedi mo pading ka gonne e dira gore babuisi ba nne ka ditsetsekwane, ba buisetse go ya pele ka ba rata go bona gore bothata jo baanelwa ba nang nabo ba ile go bo rarabolola jang.


Mefuta ya Kgotlhang

Go na le mefuta e le meraro ya kgotlhang:

Mefuta ya Kgotlhang
Mefuta ya Kgotlhang
  1. E e fa gare ga moanelwa le maikutlo a gagwe
    Mofuta o wa kgotlhang o ka lemogiwa mo dikakanyong tse moanelwa a ka tswang a kampane natso. Moanelwa o nna le mafaratlhatlha a dikakanyo, kgwetlho e nne go sa itse gore a swetse go inaakanya le kakanyo efe. Ga se thona go utlwa motho yo o itemogelang mofuta o wa kgotlhang a re: “Ke na le dipelo tse pedi ka ga selo se.”
    E le fa a kaya bothata ba go sa itse gore a ka tsaya kakanyo efe.
  2. E e fa gare ga badiragatsi
    E ka nna fa gare ga modiragatsi le yo mongwe kgotsa ba bangwe kgotsa fa gare ga ditlhopha tsa badiragatsi. Mo mofuteng o wa kgotlhang, ntwa e tsalega ka ntlha ya go sa dumalane ka sengwe magareng ga badiragatsi. Yo mongwe le yo mongwe o loga maano a go ikgolola mo bothateng jo bo tlholegileng, e nne ena mofenyi.
  3. E e fa gare ga modiragatsi le tikologo ya gagwe
    Mo mofuteng o wa kgotlhang, go nna le thulano ya dikakanyo magareng ga modiragatsi le ditumelo, meetlo kgotsa melao e badiragatsi ba bangwe ba dumelang mo go yona. Ba nna kgatlhanong le dikakanyo tse di totileng go tokafatsa matshelo a bona, ba ngaparela mo go se ba dumelang mo go sona.

Leave a comment